Acts 25

Paulo o sekisiwa ke Feseto

1Erile morago ga malatsi a mararo Feseto a sena go goroga kwa Kaesarea go tsaya maemo a gagwe a masha, a ya Jerusalema, 2kwa baperesiti ba bagolo le bangwe bagolwane ba Bajuta ba neng ba mo fitlhela teng ba bo ba mmolelela polelo ya bone ka ga Paulo. 3Ba mo kopa go tlisa Paulo ka bonako kwa Jerusalema. (Leano la bone e ne e le go mo lalela mo tseleng ba mmolaya).

4Mme Feseto a ba fetola a re, “E re ka Paulo a le kwa Kaesarea, le ene ka boene a ne a boela teng ka bofefo, 5ba ba nang le thata mo puong e ba tshwanetse go boela le ene kwa tshekong.”

6Erile morago ga malatsi a robabobedi kgotsa a le some a boela kwa Kaesarea. Mme letsatsi le le latelang a rebola gore tsheko ya ga Paulo e tsene. 7Mme erile fa Paulo a goroga mo kgotleng Bajuta ba ba tswang Jerusalema ba phuthega, ba mo pega melato e mentsi e ba neng ba sena bosupi mo go yone. 8Mme Paulo a itatola melato ya bone a re, “Ga ke molato, ga ke ise ke ko ke ganetse melao ya Sejuta le fa e le go nyatsa Tempele ya Sejuta kgotsa go tsogologela mmuso wa Seroma.” 9Mme erile ka Feseto a batla go itumedisa Bajuta, a mmotsa a re, “A o batla go ya Jerusalema go ya go sekisiwa ke nna?”

Kopo ya ga Paulo

10
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 25:11.
11
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 25:10-11.
Mme Paulo a fetola a re, “Nnyaa! Ke batla go utlwa katlholo ya me fa pele ga Kgosi e kgolo ka bo yone. O itse sentle gore ga ke molato. Fa ke dirile sengwe se se tshwanetseng loso, ga ke tshabe go swa! Mme fa ke se na molato, lefa e le wena kgotsa mongwe fela ga a na thata ya go nneela banna ba gore ba mpolaye. Ke ikuela mo go Kaesara!”

12Mme Feseto a buisanya le bagakolodi ba gagwe a fetola jaana, “Go siame! o ikuetse mo go Kaesara, mme o tlaa ya kwa go Kaesara!”

Ageripa o begelwa kgang ya ga Paulo

13Mme erile morago ga malatsinyana Kgosi Ageripa a goroga le Berenise mo Kaesarea a etetse Feseto. 14Erile ba ntse ba le mo malatsing a bone a loeto Feseto a tlotlela Kgosi ka tsheko ya ga Paulo. A mo raya a re, “Go na le legolegwa lengwe fano le tsheko ya lone ke e tlogeletsweng ke Felise. 15Erile fa ke le kwa Jerusalema, baperesiti ba bagolo le bangwe bagolwane ba Bajuta ba mpolelela bontlha-bongwe jwa polelo ya bone kaga Paulo mme ba nkopa gore ke mo atlhole gore a bolawe. 16Mme ruri ke ne ka ba bolelela ka bonako gore molao wa Roma ga o tshwae motho phoso a ise a sekisiwe. O neelwa sebaka sa go re a iphemele a lebaganye le basekisi ba gagwe.

17“Erile fa ba tla kwano ba tlela tsheko, ka bitsa kgang e ka letsatsi le le latelang mme ka laola gore Paulo a tlisiwe. 18Mme melato e o neng a e bonwa e ne e se yone tota e ke neng ke e solofetse. 19E ne e le sengwe kaga tumelo ya bone, le kaga mongwe yo o bidiwang Jesu yo o neng a swa, mme Paulo ene o ne a tswelela a bolela gore o tshedile! 20Ke ne ke eme tlhogo ke sa itse gore ke ka atlhola tsheko ya mofuta o jang mme ka mmotsa gore a o ka rata go ya go sekisediwa kwa Jerusalema. 21Mme Paulo a ikuela kwa go Kaesara! Mme ka mmusetsa mo kgolegelong go fitlhelela ke rulaganya gore a ye kwa Kgosing e kgolo.”

22Ageripa a fetola a re, “Ke batla go utlwa monna yoo ka bonna.” Mme Feseto a fetola a re, “O tlaa mo utlwa ka moso!”

Paulo fa pele ga ga Ageripa

23Mme erile letsatsi le le latelang, morago ga Kgosi le Berenise ba goroga mo Kgotleng ka boitlotlomatso jo bogolo, ba patilwe ke matona a masole le banna ba ba tlotlegang ba motse, Feseto a laola gore Paulo a leriwe mo teng.

24Mme Feseto a buisa bareetsi jaana: “Kgosi Ageripa le ba ba teng botlhe, monna yo ke ene yo loso lwa gagwe lo batlwang ke Bajuta botlhe; ba mono le ba ba kwa Jerusalema! 25Mme mo mogopolong wa me ga a dira sepe se se tshwanetseng loso. Legale, o ikuetse mo go Kaesara, mme nna ga go na se ke ka se dirang fa e se go mo romela kwa go ene. 26Mme ke tlaa kwalela kgosi-kgolo ke mo raya ke reng? Gonne ga go na molato ope o o bonalang mo go ene! Mme ke mo tlisitse fa pele ga lona lotlhe, bogolo jang wena Kgosi Ageripa, go mo tlhotlhomisa sentle o bo o mpolelela se ke ka se kwalang. 27Gonne ga go lebege go utlwala sentle go romela legolegwa kwa kgosing e kgolo go sena molato o o bonwang mo go lone!”
Copyright information for TsnLEF